
1. Lefatshe leno la borrarona
Re le abetswe ke Modimo
Kwa ntle ga tshololo ya madi
A re lebogeng, a re ipepleng
A re lebogeng, a re ipepleng
2. Lefatshe leno la borrarona
Re le abela matshelo a rona
Re tla le fufulelwa
Go fitlha sethitho se fetoga madi
Go fitlha sethitho se fetoga madi
3. Lefasthe la kgomo le mabele
Boswa jwa rona ka bosakhutleng
Ramasedi a ledibele
Re tshele mo go llona, ka pabalesego
Re tshele mo go llona, ka pabalesego
4. Modimo tshegofatsa fatshe le
Go rene kagiso le kutlwano
Tshegofatsa Setshaba sa rona
Le yona puso ya rona
Go ntsha maungo a a tshedisang
Go ntsha maungo a a tshedisang







